Your dreams are achievable
EDUCATION MAKETH A MAN

Dikgwedi tsa Setswana

Dikgwedi tsa Setswana di lesome le boraro (13). Di tsamaisana le ngwedi yo o tsamayang malatsi a le 28, eseng 30 kgotsa 31.

Ka re setse re dirisa dikgwedi di le lesomepedi (12), ka ntlha ya pudulogo ya bophirima, dikgwedi di tshwanetse go kwalwa, go kgaoganngwa le go tlhomaganngwa ka mokgwa o o ntseng jaana..: A re simolole ka ya ntlha ya Setswana...:

1. Lwetse – Legodimo le be le lwala pula, gotwe maru a mmemeru a pula. Pula e ka na nako ngwele le nngwe.
2. Diphalane – Ke nako e diphala di tsalang ka yone, e bile e ka bidiwa Mosetlha. Ke nako eo setlhware sa mosetlha se be se thuntse.
3. Ngwanaitseele – Moretlwa o be o simolola go butswa go bonala ditlheka tse di buduleng fale le fale. Bagolo ba re “ngwana itseele tlhekwa”. Ka nako eo, bagolo ba ka se dije ka di a be di ise di butswe.
4. Sedimonthole – Makgomane (maraka) a be a simolola go tiya. Ka e ne e le moila go loma pele ga Kgosi, maungo a ntlha a ne a loma ke kgosi pele. Fa o tswa go tlhagola kwa masimo, o tle o kgetlele, o latletse mo tlatlaneng go bipa ka morula. E re o fitlha kwa gae mo segotlong, o kope mongwe go go rola, o re “selo sa Modimo nthole.” Bangwe ba re ke kgwedi ya Sedimonthole wa Morula.
5. Firikgong (Ferikgong) – Ka nako e, lephoi la Mofiri kgotsa Kofiri le sela dikgonnyana go aga sentlhaga go tla go simologa go beela mae. Leinatswako: Mofiri + Dikgong = Firikgong
6. Tlhakole – Ke kgwedi e megoma e a bong e tlhakolwa mmu wa temo e bo e bewa sentle go letela paka e e tlang ya temo.. Gape, ke nako e mabele a setse a goloka jaanong Mmudula o wa go be go twe a “Tlhakola Mmudula”.
7. Mopitlo (Mopitlwe) – Ditlhaka tsa mabele di a gola, di simolola go kgotlagana. E be gotwe mabele a pitla dikgala. Ke gore a pitlagana go tswala sekgala mo gare ga one.
8. Moranang – Dinawa tse di bidiwang Moranang di be di tiya. Go simololwa go jewa nyebu le dikgobe. “Moranang wa Nawa.”
9. Motsheganong – Mabele a tiile a retelela dinonyane go a ja mo masimong go twe “mabele a tshega dinonyane ganong”. Gape, re ka re go tshwegwa lenong, kgosi ya dinonyane.
10. Seetebosigo – Mariga a be a loile, go le serame go tsibosiwe batho gore ba “se ete bosigo, ba tshabe serame.”
11. Phukwi – Matlhare a ditlhare dingwe a a be a setse a fukunya go budusetsa go tlaa tswa. Go bonale dikgononyana mo dikaleng tsa ditlhare tse di ntseng ditlhotlhoregile matlhare. Ke nako ya diphefo tse di phukutsang ditlhare.
12. Phatwe – Diphefo tsa ditsuatsue tse di phatlholang ditlhare, di be di tlogela ditlhare di ntse maphata.

Metswedi: Tlhalefang Communications le Motsweding FM
Kgetseyatsie Secondary School is a Quintile 3 institution. It ensures education accessibility to all learners, regardless of financial statuses; to promote inclusivity and equal opportunities.
2028 Manyeleti, Hammanskraal