Your dreams are achievable
EDUCATION MAKETH A MAN

Botlhokwa jwa sekolo

 
Tlotlego Boshelo

Mokwadi: Tlotlego Boshielo [Sedimonthole 2025 ]

Ga go lefelo le le botlhokwa jaaka sekolo; ke kwa isago e e phadimang e simololang teng. Dingaka, baoki le barutabana ba fetile koo; ba rupelwa le go aga isago ya bona.

Sekolo se botlhokwa ka gonna se tlisa thuto le go naya baithuti kitso e e tseneletseng ka ga tsa botshelo le lefatshe.

Sekolo se ruta baithuti maikarabelo le maitsholo a a siameng. Tloga e tloga kgale modisa wa dikgolo a tswa natso sakeng, bana ba ba tla tshwarelela mekgwa e mentle e le fa ba gola.

Sekolo se agile botsalano jo bontle jwa me, baithuti ka nna mmogo le barutabana. Sekolo se rotloetsa botsalano ka go dirisa baithuti ka ditlhopha.

Ke rotloetsa baithuti gore ba tseye sekolo tsia, ba se ke ba akanya gore ga se botlhokwa; e ka nna sona se se ka ba bulelang ditsela tsa isago e e phadimang.

Bana botlhe ba ba leng botlhale le ba ba leng mo magareng ba leke ka natla go netefatsa gore ga go sepe se se emang kgatlhanong le dithuto tsa bone.

Setswana sa re kodumela moepathutse ga go khumo e e tswang gaufi; se eletsa go rotloetsa moithuti gore a tsene sekolo, a tle a kgone go kotula maungo a mantle a a tla tlisang ke dipoelo tsa go ithuta.

Kgetseyatsie Secondary School is a Quintile 3 institution. It ensures education accessibility to all learners, regardless of financial statuses; to promote inclusivity and equal opportunities.
2028 Manyeleti, Hammanskraal